A O NE O ITSE?
THOBALANO E E SA SIRELETSEGANG E KOTSI. E TSHWANETSE GO DIRAGALA FELA MO MAEMONG A A TLHOMAMENG LE A A IKANYEGANG.
GO BONA TSHEDIMOSETSO GO YA PELE KA GA HIV/AIDS:
LETSETSA NOMORO YA MAHALA YA THUSO KA GA AIDS: 08000123 22
BOIMANA LE GO BELEGA NGWANA KE MAIKARABELO A BANNA LE BASADI KA BOBEDI.
BALEKANE BA TSHWANETSE GO TSHEGETSANA KA DINAKO TSOTLHE. BANNA BA TSHWANETSE GO TSHEGETSA LE GO TLAMELA BALEKANE BA BONE KA THUSO NNGWE LE NNGWE FA BA LE MO MMELENG, FA BA BELEGA LE KA GO FEPA NGWANA.
BOINEELO JWA GAGO, GO NNA LE SEABE LE TSHEGETSO DI BOTLHOKWA THATA MO GO FOKOTSENG DIPALO TSA DINTSHO TSA PELEGI.
Tsweetswee bega dintsho tsa pelegi tse di tlhagelelang mo kgaolong ya lona.
Ikgolaganye le tleliniki ya lona e e gaufi, bookelo kgotsa moemedi wa Porofense wa tsa Pelegi, Bana le wa Boitekanelo jwa Basadi:
Kapa Botlhaba:
Mogala 6093941 Fekese 6350072
Mogala 4301933 Fekese 4483077
Mogala 355 3341 Fekese 355 3332
Mogala 3322425 Fekese 332
Mpumalanga:
Mogala 7663275 Fekese 7663471/2
Kapa Bokone:
Mogala 8300704 Fekese 8006060
Bokone Bophirima:
Mogala 3875232 Fekese 3875334
Kapa Bophirima
Mogala 483 2686 Fekese 6350072
GAPE O KA NNA WA IKGOLAGANYA LE OFISI YA BOSETŠHABA YA BOITEKANELO JWA BOMME KA TLHAMALALO KWA:
Mogala: 312 0397 Fekese: 326 2740
TSHEDIMOSETSO E TLA RE THUSA GO TOKAFATSA DITIRELO TSA BOITEKANELO JWA BOMME LE TSA MORAGO GA PELEGO.
GO SIRELETSA BOMME
Lefatshe ka bophara go tlhokofala bomme ba le 600 000 ngwaga mongwe le mongwe ka ntlha ya maemo a a amanang le boimana.
% ya dintsho e tlhagelela mo dinageng tse di tlhabologang.
Mo Aforika Borwa, mo dipeleging dingwe le dingwe tse di 100 000 go tlhokofala basadi ba le 150.
Dintsho tse di utlwisa botlhoko ka ntlha ya gore bontsi jwa tsona ke tse di ka thibelwang.
GO TEWA ENG KA LOSO LWA PELEGO
LOSO LWA PELEGO KE LOSO LWA MOSADI KA PAKA YA BOIMANA, FA A BELEGA KGOTSA GO FITLHA DIKGWEDI DI LE THATARO MORAGO GA GO BELEGA KGOTSA FA A FETETSWE.
Komiti ya Bosetšhaba ka ga Dipatlisiso tsa Sephiri ka ga Dintsho tsa Pelego mo Aforika Borwa (NCCEMD) e lemogile mabaka a a tlwaelegileng a matlhano a a tlholang dintsho e le:
AIDS
Kgatelelo e e kwa godimo ya madi
Go tswa madi ka nako ya boimana le morago ga pelego
Ditshwaetsego tse di amanang le boimana
Basadi ba ba mo mmeleng ba ba kileng ba nna le malwetse pele ba ima, segolo malwetse a pelo.
Mosadi mongwe le mongwe yo o mo mmeleng a ka feletsa a na le mathata ka paka ya boimana kgotsa ka nako ya pelego. Le gale, mabaka a a farologana.
BA BANGWE BA NA LE TŠHONO E KGOLO, MME BA TSHWANETSE GO LATELA MAELE A A NEETSWENG FA TLASE:
Basadi ba ba fetileng dingwaga di le 34 ba tshwanetse go buisana le mooki kgotsa ngaka pele ba ima. Ba ba feditseng go belega ba ka akanya ka ga go tswala tšhupu ya pelegiso kgotsa balekane ba bone ba ka akanya ka ga go ntsha bontlhabongwe jwa tšhupu ya peo.
Basadi ba ba kileng ba ima makgetlho a le matlhano kgotsa go feta ba tshwanetse go ikgolaganya le mooki wa pelegiso kgotsa ngaka go tlhatlhobiwa ka botlalo pele ba ka ima.
Basadi ba ba nang le bolwetse jwa pelo ba tshwanetse go ikgholaganya le ngaka e e tlhokometseng mathata a bone a pelo pele ba ka ima. Basadi ba ba nang le malwetse a a tseneletseng a pelo ba rotloediwa go tswala tšhupu ya pelegiso.
Basadi ba ba imileng, ba ba kileng ba belega ka karo, ka gale ba tshwanetse go belegela kwa bookelong jo bo kgonang go dira karo ka nako nngwe le nngwe motshegare kgotsa bosigo.
basadi ba ba imileng mme ba tshwarwa ke tlhogo e e opang phetelela, ba dutla mo bosading, ba na le ditlhabi tse di tswelelang mo mpeng, ba hupelwa mowa kgotsa ba na le sere se se nkgang se se tswang mo bosading ba tshwanetse go ikgolaganya le tleliniki kgotsa bookelo jo bo gaufi ka bonako.
KE ENG SE RE KA SE DIRANG ROTLHE GO THIBELA GO SWA GA BASADI KA PAKA YA BOIMANA KGOTSA FA BA BELEGA?
MOSADI MONGWE LE MONGWE O TSHWANETSE GO:
Rulaganya go ima fa go kgonagala, mme a belegisiwe ke mooki yo o nang le kitso.
Etela tleliniki e e gaufi ya selegae kgotsa ngaka go netefatsa morago ga go se tlhatswe gabedi ka tatelano.
Go ya kwa tleliniking kgotsa kwa ngakeng go bona thuso fa o sa tlhole o batla go tswelela ka boimana
Dirisa dikhontomo fa o tsena mo thobalanong fa o sa rulaganyetsa go nna moimana kgotsa fa o setse o le moimana.
LELAPA LENGWE LE LENGWE LE TSHWANETSE GO:
Tshegetsa mosadi yo o mo mmeleng kwa gae ka paka ya boimana, fa a belega le morago ga go belega ngwana.
Rotloetsa ketelo ya tleliniki/ngaka morago ga pelego, rulaganya ditiro gore a kgone go etela tleliniki/ngaka
SETŠHABA SENGWE LE SENGWE SE TSHWANETSE GO:
Tshegetsa le go bona mosola wa ketelo ya tleliniki/ngaka morago ga go belega.
Nna le sepalangwa gore basadi ba fitlhele le thuso fa go tlhokega
Rotloetsa kabo ya madi
Tshegetsa tleliniki ya selegae gore e tlamele tirelo e e gaisang.
